Tuesday, June 21, 2011

Mangwane mpelegele ngwana ke ya Tshwane.

O wa mpona ke sikere merwalo
boramphatshane ke phadimisitse
ke le bile pele ke phahamisitse mabogo
ke gopotse Tshwane felo go kile ga busa bo Poulo

mpelegele ngwana ke ya Tshwane
ke ya Tshwane ke se tshwene
fela ke thatafetse go ka rotwe
ke e metse dikgwetlo tsa lefatshe la metlholo
le fatshe la diterena le di roboto

ke nonne pelo ka tsholofelo
maikutlo a me a ile le naga
ditoro tsa me di fuduegile
ke utlwile go buiwa ka gauta le taemane
gatwe go epiwa tshipa ko tshwane

ke sikere merwalo ke rwaletse
tsa pele ga di itsewe
ke itshepile buka mogoma mo golo wa gompieno
ee, ka rialo,
ka re ke rwaletse tlhogo maboko a apeilwe
ke utlwetse kgang kgolo
gotwe masimo a gompieno a tlhagolwa ka di computhara

Ga ke mofeti ka tsela
ke mojaboswa wa naga ya gaetsho
le fa mo fufutso o ka tshologa
same sethitho ga se elele fela
bagaetsho ba ntibile
ke se tswerere ke lebile tshwane ke rwaletse

Mangwane,
tshwara foo...
mpelegele ngwana ke ya Tshwane.

Borwa jwa Maikutlo a me

Ke Borwa jwa boiketlo jwa me
borwa jwa go repa ga pelo ya me
lefatshe le lentle, gae ga bo motho
ko bana ba fepiwang lerato ka botho
Borutho jwa gago Borwa jwa Afrika
ekete jwa lorato lwa motsadi

Ke borwa jwa me
Ke borwa ja maikulto a me
ko moribo wa me o apeilweng teng
ke teng koo kalana ya me e wetseng teng
ke teng ko bo raethso mogolo baletseng teng
lefatshe la gaetsho legae la me

O tshimologo le bokhutlo jwa me
bo nneteng ke wena fela,
ke wena fela boleng le botshelo jwa me

Bomenomasweu ba lekile go go atlafatsa
baleka go go fetola moitimokanyi
bago betelela ba goepa mesima
ba ikgabisa ka ditswa mateng tsa gago
madi a gago a elela le dinoka
kwa bokhutlong gwa fenya wena Afrika
Pelo tsa ba mmala o sibilo tsa boela mannong

BO morwa motho re ma bela re makgakga
dikgakgauthano le manganga ke mosamelo wa baratani
e sere re supana ka menwana le melamu
re ipaka bo Afrika re tletse tshakalo
lwa re sema bo matla
ke lona le rato le o, ke le rato lwa borwa
ke lerato lwa motho wa nama
Motho yo di phoso phoso
Motho wa nnete.

Ka re borwa ke jwa gaetsho
re bo abetswe ke moabimogolo
mong dithata tsotlhe.
ke tshogofatso wa matsholo a rona
ke lefa la bana ba rona
ke borwa jwa me...!

Motho wa pelo ya me

Motho wa pelong
Ntheetse ke go sebele
Sephiri sa pelo ya me
Ke go rwele ka maikutlo
E kete o kgetsana ya botshelo jwa me
Kagale ke tla nna ke go sikere ka pelo ya me
Gonne mo o le teng botshelo ke moletlo
O phadimisa sefatlhego sa me
Maitsholo a gago ankapesa kobo ya thabo
O naledi ya me
Fa o le teng ga ke tlhoke dipone
O mofutho wa botshelo jwa me
Fa o le teng ga ke tlhoke dikobo
Wena sedi la pelo ya me
Motshodi wa maikutlo a me
Wena kgosigadi ya puso ya me!

Tshaba rata

Rata e jele bana ba motho
E tsentse naga seboko
Sebodu sa teng ke sephiri
Sephiri se tla go bolaisa rata
Rata ya bo marata golejwa
Bo marata go jewa
Ba go ja le go ja mo go sa jeweng.

Naga e tlhasetswe ke lephera
Mabitla a phumphunyega
E kete gona ya ditopo
Sera se iphitlhile mading
Se phetotse ntho ya lerato
Boladu jwa teng ga bona ditebego

Ke rata ya masetla pelo
Ga ena pelo tlhomogi
Le mmotlana e ka mo sobokantsha
Ke molelo o tshaketseng
Kgabo tsa o na di lalautha masea

Itshabele ngwana wa batho
E sere gongwe la ka moso
Le lebaleba wa bo o lelalela
Ntshware ka letsogo

Nna ke motlana
Ke kitso potlana
Matlhale ga kena
Mathaithai ga ka a tsalelwa
Mo ke tsamayang go makgapilakgapila
Mareledi a namile go ka motlhaba
Motlhaba o a tlhaba o sena bogale
Bagale ba wele,
Ke mmotlana ke a boifa
Ntshware,
Ntshware ka letsogo
O mpontshe tsela
E seng tsela tse dimatlapa le mebitlwa
Ke ngwana wa borwa
Ke rwele tsa bokone
Ke ngwana wa mabu
Melodi ke ya bo rraetsho
Ntataise ke tle ke itse go gogolela
Mmogo re tle re age borwa jo botle.

Thursday, April 21, 2011

Ka la seloko

ntwa kgolo ya tshaba sa rantsho
e kile ya bo e rerilwe
e rerwa ke batlhabani ba gaetsho

bana ba mmala wa sebilo
ba tshaketse ba tsholeditse
ditlhabane tsa bona
ba goa ba sa kagle mathe ganong
ba bina bo "siyanyoba"
potso e le gore majela thoko le loilwe ke mang
go emetswe e matlho mahibidu
Afrika e batla lefatshe la yone

ka ponyo ya leitlho
ga wa dinatla dikwankwetla
ke bua bo Sabelo le bo Hani
madi a tshologa ga saenwa dipampitshana
gadirwa tumalano
go rekiswa le fatshe, go rekiswa batho
kgololosego ya ba gone fa ile ka lenga la seloko

e rile le tlhaba
la bo le tlhaba pelo ya Afrika
ya re beng mmabu ba boela mabung
mubu ya Afrika wa bo oilwe
ka sejanoga kare, "signed and silled"
thekiso ya ditoro tsa batho
thekiso ya boitlhompho jwa batho
Ramaphosa we,
ke fella ke di puo
ke kgangwa ke mafoko

ntlogeleng ke se gitle,
go nne le rekisitse bana ba batho
lwa a ipatlela sa pateng tsa lona
le ja le jana le baba ba rona
le monana le ntse le bitsa tokologo

Mona

mona ke bubi jwa satane
e ne satane o irileng a bona phadimo ya thari e ntsho
a retelelwa ke go itshwara
a romela bo ramaka go re aketsa
motho a kgaoganya bo sika lo rantsho le lowe
ka jeno go tlhakatlhakane ekete re loiwe

go a peteketswa
botlhale jwa phala ga bo sa bonwa
kgaka kgolo di sela di seletse mmileng
gotwe dikgakana ke tsa puso
lamoja le ja le sa lema
le re le ka lema le tla lema la molema

molemi ke yoo, o a sitwa
ntswa tsa le fatshwe di rototse matlho
e re ba bona bo tala
ba talafale ditshika
pelo di eletse di sa jala

tsoga Afrika,
o tlhabane le sera
sera se tsene ka kgoro
motse o tletse maragana a bana ba mpa
mmaba e ne o ijesa ka nkgo
o tlhabile kgobe ka mmitlwa
selelo sa thari entsho
mo go ene ke morethetho wa mmino.

Dikeledi

Metsi mannye a ka go bakela morwalela,
pelo dirwaletse
maru a kopanetse matlhong
ditiro e le tsa motho wa nama
a raetswe ke thata tsa lefatshe
modiri a lebale
modirwa a sitwe go lebalela
e rotha e phadima goka naledi
tshobokanyo ya maikutlo
pelo di fatlhilwe
madi a gatsetse
motho a sitwa ke dikakanyo

mogolo go iphumula marama
a re ga ke lle ke fatlhilwe
e, o fatlhilwe
o fatlhilwe pelong
e kgotlwilwe ka nnalete
go phophoma boladu
ntho e kgotlelegile
e kgotese ke tsa lefatshe.

sethube, e re o se thuba
boladu botswe
maikutlo a okobale
maikutlo ke a motho
ga se a tshwene
e re o gata o a bone foo
e sere gongwe wa gataka fela
ra tsoga re gakaletswe
dinoka dielela dikeledi.

Semphethe wena yo rategang

utlwa sefela sa basimane
ba opela, ba opelela seponono
ngwana wa marata golejwa
ngwana wa go lejwa ke botlhe
yo e reng fa a gata kgatho
lefatshe lebetse monyebo

o montle ngwana wa mo-Afrika
ekete botle botlhamilwe ka ena
ditebego ekete modiro wa badimo
ba itisitse go se letsapa lepe
e re ba mona makawana
ba letse melodi pelo tsa bone di duduetse
ba rothise mathe e kete mekoduwe

semphete wena yo rategang
ba goa ba eleditse, ba rothisa mathe
dipelo di betsa ka bonako
madi a bela mesifeng
motho a ruruga serwe
gore le loleme le tlale logano
puo yone retele…

ba ba matlhajana
ba itse puo ba ba loleme lo borethe
bone ba bine sefela ba eleditse
bare “semphete wena yo rategang”
ba aketsa ka tsa lefatshe
batshepisana le godimo le dinaledi

a bontle jo bokana…
nnyaa, kana e ne e le mpho
mme tsa lofatshe di itse go e fetola
bona jaaka bofetogile morwalo
ithokomele wena mong morwalo
e sere la ka moso le tlhaba
botshelo jwa bo bo go fifaletse.

Thursday, February 10, 2011

Serwe sa motho

Ke neke ithaya ke re ke itse motho
Nnya tota ga ke moitse
go tlhajwana ka dithipa,
go thunyanwa ka dithunya
mofeti ka tsela a thanyetswe ke madi a kgofa
pataka-pataka le mebila
baiphetotse bo Samson le Dafita
ke mabotlelo go thubega
matlhapa le matlapa mo moyeng
motho a bitsa serwe sa motsadi wa motho
matsapa di tsaya kae,
bo mmaloleme ba re kgarebe tsoko
gatwe mang, mang o jele mang mang!
Ija…a motho a ka ja motho tota
Ke n eke re go jewa dijo
Makawana ke a,
gotwe a lwela serwe sa motho.

Mang ke mang…

Tlogela go mpotsa gore mang ke mang
Se mpolelele gore mang ke mang
Botoka o mpolelele gore wena o mang
Le nna ke go bolele le gore nna ke mang
Ke morwa thari entsho
Mmetlwa ke mong mmabu
Kwa ke tswang teng ga go tsalwe magatlapa
Ke motse wa kgosi kgolo moabi wa botshelo
Mmala wa letlalo lwame ke botaki jwa bagolo
Ditiro tsa badimo ba iketlile
Ke kopane, ke kopantshitswe ke ditswerere
Ke modiro wa se-Afrika
Wena wa re o mang?

Lefifi

Kobo e ntsho ,
Sepipa matlho ka bubi
Ko o teng roko bo a natefa
Marapo a isiwe go beng…

Bomorwa lefifi bona ba sasanka le mmila
Batletse tletse naga
Go tlhabile kgobe ka mmitlwa
Ba fetogile marubisi
Go aketswana ka matlhale a botshelo

Go sianwa lebelo
Kgaisano e le ya baitsi puo
Sejana sa mofenyi ke pitikipitiki ya bagolo
Go tshamekiwa ka molelo
Nama ya motho e dirwilwe mogwapa
Go tlhabakakiwa,
go monanwa,
go le makgapila kagpila,
sethitho sa ntswa se ela phatlheng

Batsadi ba tsoga ba lela
Ba lelela molora legong le shele maloba
Motho a supa bo mmantiti ka monwana
Go thunya selelo le dilelo
E kete motho o ne arumilwe

Kobo e ntsho,
Sepipa matlho ka bubi
Ko o teng roko bo a natefa
Marapo a isiwe go beng…

Ke siregile maikutlo

Ke letse ke tlhabilwe ke mmutlwa
Botlhoko ba one e kete lomao
Bo ntsene mo pelong
Ba ntshira dikakanyo
Maikutlo a me a siregile

Tsa le fatshe di ka go latsa nageng
Monagano o tseneletse le sekgwa
O senka senka bosula, o ka go dirisa diphoso
Motlhatswi wa pelo ya me ke mang
Ke raya gore ke mang yo o tla
Sirololang maikutlo a me
Fa lefatshe le nkemetse ka dinao
Baba ba me ba tiisitse mosako
Ba kgomantse ditlhogo dithapelong

Ao botshelo ruri,
Kana fa o ratile o tswina e melodi
O siya difatlhego ditletse monyebo
Go se letsapa le lefisang pelo
Fela fa o tlhaname wena botshelo
E kete baeletsi ba go atela
Bantse ba go akela
Fa bantse ba go logela lemena

Nnyaa, botshelo,
Ga ke go itse o le jalo,
Gongwe ke gone gore ke siregile maikutlo
Nkotle ka sefela maikutlo a theoge
Gongwe pelo e boele mannong
Le nna ke je looto jaaka makawana
Ke inose ka nkgo tsa thabo

Sentlhabe ka mafoko

Loleme lwa motho le jaaka maru
Le ka gonesetsa dipula tsa thabo
Medupi e ereng fa e komakoma
O bone lefatshe le betsa monyebo
O boo bone molalatladi oipala le loapi
Fela fa le sa go rate
Le ka go betsa ka mantswe
A bogale jwa ona bogaisang jwa tlhobolo
Puo e go sie pelo e hutsafetse
Ekete go fetsa go rathwa ke tladimotwana
O gogolege maikutlo jaaka naga e tsenetswe ke morwalela

Nntlae, fa o tlhabegile
Nna ke a ikopela
Ke e boya bontlha
Ga ke tonki seutlwa ka letlalo
Fa ke go senyeditse gongwe ntshwarele
O se nkgase ka molelo wa mantswe
Ga ke battle go tuka malakabe
Ke tlhoka go aga kagisano mmogo
Gore botho jwa gaetsho bo boele bathong.


Sentlhabe ka mafoko
Se mpitse ka mainaina ke sa itseng
O se mpale dirwe tsa mmele
E kete o ngaka ya me
Bogolo o itidimalele fa tse dimolemo di go feletse
Fa o retetse, retefalela teng
O se re fetetse maikutlo a bosula.
Ke yona phidisano mmogo eo!

Wednesday, February 9, 2011

Puo tsa bokone

Puo tsa bokone di fetotswe metlae
Bana ba mmala wa sebilo
Ba tlhajwa ke di tlhong fa go buiwa segarona
Masea a rutwa go peteketsa gotwe ke bona botlhale
Bo “mommy-daddy” ba tletse naga
Basitwa ke go leboga ka segarona

Batsadi ga baitemoge
Fa ba fepa bana ka bosilo
Gotwe ba betlelwa bokamoso
Ekete sejatlhapi ke botlhale
Tshaba sa rantsho seakafaditswe ke puo
Re gweba le diabolo
Re latlhile tsela ya botho
Ke kua ke sa belaele
Ka re Ma-Afrika tsogang borokong
Selo se ga se toro ke matlhotlhapelo
Tshaba sa rantsho a re somarela bonnyane jo bo re saletseng.
E sere ka moso ra tsoga renyeletse.

nthuse ka botlhale

nthuse ka botlhale

jaaka mmutlanyane
ke tlhoka kitso
ke lekile thuto
e ntse e le potlana

maitemogelo bare ga kena
bokgoba bo santse bo ntebane
ke ngatile mogatla
ke suputsa seretse jaaka kolobe
mothapi wa me o batla gauta
ke lekile go mmolella gore
gauta Gauteng ga e teng
bogauta go setse jwa di “street light”
dipone tsa bosigo

dipone tse difatlhileng bo morwarre
go fitlha ba latlhegelwa ke tsela
ba lebala se re se tletseng
ba tletse dipoto le ditoronko
ba rutana bolotsana
maaketsana fifing
e re sedi le tlhaba ba bo tlhabane
ka dithipa le ditlhapa

nako di thata
dtlhoka matlhale
mathaithai a iphile naga
nagana fela,
rebuswa ke malata
le lefatshe ga re sana
dikgosi difatlhilwe ke dimaene
ditaemane di setse di tsamaile
go setse lehuma, lehumo leile
ka dikepe le di fofane

gothata
retsogelela tshokolo
re lebogela mosoko
ke rapelela botshelo
ke eletsa botlhale